In order to view this page you need Flash Player 9+ support!
Bogosi jwa Mapungubwe bo ne bo atile naga, bo simolola gaufi le noka Limpopo. Batho ba, ba ne a itirela diphologotswana ka gauta e e phepafaditsweng. Se sengwe ke gore ba ne ba itirela mangena le dibaga ka dinaka tsa tlou.
Fa o ka tsaya leeto la 100km go tswa kwa Musina, o tla fitlha fao Mapungubwe e neng e le gone. Dilo tseo di epilweng kwa e neng e le Mapungubwe gone di akaretsa:
Fa o buisa tse dingwe tsa dibuka tsa Ma-Arab, di bua ka motse wa batho bantsho o neng o dira dilwana tsa gauta gaufi le noka ya Limpopo. Dilwana tseno di ne di dirisiwa ke Ma-Aferika go reka masela a India le dibaga tsa China.
Page 1 ya 11


Magatwe a re bangwe ba Bakwena-ba-Mogopa, ka tlhago, ke Barolong. Ka moo go leng nngwe ya dikgoro go twe:
"Barolong." Seano sa bona ke tlou. Ga twe e rile bogosi ba Bakwena bo phatlhaletse ka dintwa le matshwenyego, Barolong ya nna bona ba tshwereng puso.