Dinaane

Maele ke dikapolelo tseo di nayang bokao ka papiso, a kgabisa le go netefatsa puo fela jaaka diane.

Leele
Tlhaloso ya Lona
Go nna kwa tlebebe
Go iketla o sena matsapa
Go iteela kobo moroko
Go wetsa puo fa o latlhela mafoko a bofelo
Go nna dinala di telele
Go utswa
Go gadikelwa dithotse mo ganong
Go bua thata
Go ja ka mpa tse pedi
Go ja thata
Go ntsha ga tshwene
Go dira ka bojotlhe
Go nona pelo mathe
Go ithiba go galefa
Go ja monakaladi wa kebolela
Go iketla o sena matsapa
Go utlwa ka tsa ga Morakile
Go se tlhaloganye se se buiwang
Go nna leratla la tlou
Go ima kgotsa go ithwala
Go duba thankga
Go lebana le mathata
Go ithala ka thipa mpeng
Go itsenya mo mathateng
Go swa ka lehunelo
Go gana go ntsha sephiri
Go soka lenyeme
Go amogela dilo le fa di sa siame sentle tsotlhe
Go bopelwa kgomo ya mmopa
Go buiwa maaka ka wena