Dithamakwane di ne di dirisiwa fela go fitisa nako mme di naya batho kana bana tsela ya go tlhalosa dilo ka mokgwa o o boteng o o fitlhegileng ka botlhale e bile e le mokgwa wa motshameko. Tsaya matsapa go leka go tlhalosa tse di latelang pele ga o ka lebelela dikarabo tsa tsona kwa tlase.


  1. Yo a se dirang, ga a se rate, yo o se rekang, ga a se dirise, yo o se dirisang, ga a se bone
  2. Pholo ya gaetsho e ya nokeng e akotse, e boe e otile
  3. Pholo ya gaetsho e ja e ota
  4. Re tsholola dijo, re je kgetse
  5. Mabodi masweu mafologantsweng
  6. Sa re nyedi, sa re tse
  7. Thabana e e maoto mane, nko e feta mogatla
  8. Ke gadima ka fa le ka fa, gadintswetswe ga ke mmone
  9. Mmangwana o mpa tshweu, le ngwana o mpa tshweu
  10. Mokokolope wa etsho fa o thuma, nkoko o o tshwara ka mogatla
  11. Ka di tshela makgabaneng, tsa boa di mparafere
  12. Boloko ba namane tilane gab o kotangwe ke dintsi
  13. Sekanyanasekanyana, mafoko se a tsaya kae
  14. Magodi marakanelatshwagong
  15. Tswikitswiki, letlhakeng.
  16. Se lekana le tlou, se tsamya le tlou.
  17. Se a tampatampa se ya go tsalela kae?
  18. Se kanyana mafoko se a tsaya kae?
  19. Bana ba nkete ba lekana botlhe, ba ba sweu botlhe, ba ditlhogo ntsho botlhe
  20. Mankete o petlapetla dirope fa a dira ?
  21. Ntlo ya gaetsho e dikgoro pedi
  22. Lelapa la Mmasekokotelwana, le le dipota tshweu
  23. Bana ba a bina, mmaabona ga a bine
  24. Mmaabana a pinya, bana ba tshaba
  25. Magogorwana molatlhwaletsela
  26. Pitsana ya seapeelagodimo
  27. Pholo ya malome e fula e fula mogatla.
  28. Phokwana belebetsa, e re o tshela noka o didimale
  29. Kgarebe e e motlhopo o monate
  30. Ke itaya phate, ya gana go tswa lebadi
  31. Legadima lepotamotse
  32. Mmabana a kotama, bana ba kgora
  33. Ka goroga a tswelele
  34. Ke bale ba subelela kwa
  35. O tsoga le nna, o tsamaya le nna.
  36. Photi e e botsogelo bongwe
  37. Basetsana ba ba matheka a masesane
  38. Ka itaya phapi ya wela Engelane
  39. Pula ya na matsorotsoro, nna molope ka tswa ka sela
  40. Dipodi di tswa metsing di melomomesweu
  41. Telodi ya dikgaga
  42. Pampiritshelete, badimo ba itse go kwala jang?
  43. Mme o le gaba, ngwana o dimpana
  44. Sebokolodi se se ramaga se etilwe ke pholo e ntsho kwa pele
  45. Bosigo ke mohumi, mothegare modidi.

  1. Lekase la moswi
  2. Sesepa
  3. Thipa
  4. Mogodu
  5. Sefako
  6. Legadima
  7. Tlou
  8. Kgorikgori
  9. Tshilo le lwala
  10. Leso, lefetlho fa le fudua
  11. Molora
  12. Molelo
  13. Ditaola
  14. Madi
  15. Seme
  16. Moriti wa tlou
  17. Lephuse
  18. Taola
  19. Ditlhokwana tsa mokgwaro
  20. Sekere
  21. Dinko
  22. Meno
  23. Dikala tsa setlhare le kutu
  24. Sethunya
  25. Segotlhola
  26. Peipi ya motsoko
  27. Nnelete le tlhale
  28. Dirampheetshane
  29. Ntshwe
  30. Metsi
  31. Namane
  32. Pitsana mo molelong
  33. Tsela
  34. Dikota tsa terata
  35. Moriti
  36. Lebati
  37. Mefu
  38. Lekwalo
  39. Mosi
  40. Motshe
  41. Nkwe
  42. Dinaledi bosigo
  43. Tshilo le lwala
  44. Setimela
  45. Lesaka la dikgomo