O labile mang ka matlho a tshotlo
Ngwana wa gae la Mongwato?
O nyefola mang gone ka mongebo
Yo o keteng o rekilwe sekoloto?
O labile nna kgotsa ontse o itiloletse lefatshe
O ntse o le labile pele ke go lebaganya?
O matlho-a-kgang, a ka tswa mafoko
Puo ya ona le susu o ka e tlhaloganya.
E kete o ka phela wa tla wa nthaololela
Gore o bona'ng e kete o a se belaela.