Ga nkitla ke bua thata ke tla Nyaisa
Ke tla kopela Semakaleng madulo.
Ga se moeng, tlhe, ke mong wa lapa
O tlhaeditswe ke batlhanka ditulo.
O maaka mantle motho wa maraara
O ka go loma tsebe, a re gape, se shebe
A go je ka loleme, a re maaka ga se khumo.
Yo o sa itseng go bua le baeng!
A buang e kete o duelela mafoko.
O tlhopa a se kae fela mme a a manege
Se - boloko, se - kgomo ya motlapa.
O ratile go ntsha botshelo leinane,
G fetola dipuo tsa batho diane.
O fa dilelo tsa baratani melodi
Ditshego tsa bone a difetole tshotlo.
Monna yo o tsotse basadi ditwsalo;
O supile sentle ka Mma-Oshupile.
Fela o ba ratisa thata bonkatsea
Bogale jwa mosadi seka-nkwe.
Setlhano seo sag ago, diane,
Se tla sala motlhang o nyamalala,
Gone monna o tshwana nao jalo
O gaola fela jaaka kupe e tshweu
A bo a setse a tlhabelwa badimo
Go twe ba seka ba furalela lefatshe.