Leratla la thutlomologo
Le tshikinya Satane mangole;
Kgale re okomelana ka diphatlha
Di iphunyeditswe ke magotlo.
Gompieno di a reketla dipota;
Baitlhaodi re bonelane
Ra re re dipelo di madi mangwe fela
Le fa 'tlhogo di sa tshwane
Le mebala e batla go tswana.
Pule o file Pulane mogoma go lema
Pulane o naya Pule lesokwane.
O tla bona Pulenyane o tla ba tlodisa kgati
Pulanenyane a ba rome metsi
Ga se maaka di a wa dipota
Makwete a tsone a eme maboto,
E kete le on a tla itira dikgopi,
A iletsa ditlhopa go etelana
Tsa tloga tsa nnela go tlhaeletsana.
Kgonyape ke ele, le yona ke a e bona,
E gogola maboto le beng,
Lefatshe la sala le phaphaletse.