Mphetekegofete

Mphatlhalatsane wa moso galalela
Mokoko le sethole di a lela
Banna le basadi ba a tsoga
Bosetlabosheng ba a ngongorega
Botlhe ba ipaakanyetsa go tlhatlhoga

Ke semphete ke go fete
Botlhe ba ya ka dikgoro
Bomosalagae ba feele ba fete
Ba phephafatse ba bule dikgoro
Ke lepotlapotla ba ka ikgorosa

E re go shupuga ka lefitshwana
`Janaga di tshumile mabone go tshwana
Diragamajwe di tla fetafetana
Ke lebelo go ya go siya bana
Le fa kwa dikolong go se barutabana

Moremogolo go betlwa wa taola
Motswana wa motho wa ipetla
Lefa bathapi ba re laola
E re go fetsa maabaka o lope tetla
Go seng jalo o tla thanya lomapo

Lebelo ke kgaisano ke la dipeba
Pele fitshwana la mmangwana le wela
Tiro ya tsatsi ke e maleba
Phuthaphutha sag ago pele o fela
Kgomo di boela sakeng

Fifi ja bosigo le a itelekela
Sedi la ka mponesetse tsela
Ke mphetekegofete go boela gae
Go ya go busetsa marapo go beng
Ke khurano ya meno fela
Bangwe ga ba itse ba latsa tlhogo kae.

Seeco Seitheisho