Kgalalelo ya gago ke ya e tlhoka
Motho o ka tshwana nao o a tlhokwa
Go reteletswe matlhale bogologolo
Go lemoga diphatsa tsa gago
Atamela, wena lesedi la me
Gonne kgopolo ka ga gago e kgolo
Botshelo o le gaufi bo bontle
O sa ithanole, bokoa tlhologelo
Ntele letsapa, kgosi ya me;
Emela motlhan ka wa gago loratong
Boa o ntsetsepetse mo motlhaleng wa gago
Ntlhomamise mo ditseleng tsa gago
O bobebe fa o feta, mme ga o boele morago
Ntswa gone o le bobebe go fitlhisa molaetsa
Kana o ka retelelwa ke eng o le mogale?
Le nna nkgopole setilong seo sa gago
Ke mokgarakgatsi fatsheng leno;
Ke golegilwe mabapi le go go itse
Boitumelo jwa motho a kile a bona lesedi, bonnye;
Gonne malatsi ano sephiri ga se tlhole se tlotlwa
Motlha, ema ka ditlhabano tsa gago;
Mphetolele maikutlo a motho wag ago
Boa o tsenye lerato mo bathing
Tshuba lesedi la kutlwisisano mo go bone
Ke botoka go na le maabane
Diphetogo di le mmalwa di nkaparetse
Tlamelo ya lapa nna tota kajeno nka e phuta
Fa fela Mmapitso a ineeeletse.
Kana ke mo anegetse ka tsa pelo maloba
Mo fifing la sentseelengwana, re na le Kabelo
O bile a nkadima sakatuku
Ka be ka re sethitho go se nene
Kajeno letsatsi le tsile ka disele
Le tsile ka mokgweleo pelong ya me;
Therisano motho wa me a e lebala le penne
Tsa maloba ya nna dithuthuntshwane
Mo ratele dikobong a robetse
Mme o nkutswetse lorato lwa pelo ya gagwe.
Mo fetole maikutlo a bapile nao
A suhula melongwana, mo rotloetse ka lerumo
Nnyaa, busana nae jaaka motho;
Mme o mmontshe pelo ke e mmuletse
Mo gakolole ka lorato ke lo dutile
Gonne sebaka se sa le gone fa a dumela