Maaka

Motlapa legodu la poo
O a utswa, a itshireletse ka maaka
A tswa jaaka metsi
Sebetsa sa motlapa wa legodu

A feditse bontsi
A tsentse bangwe kwa dikgolegelong
Bangwe a ba tseela dithoto
Thebe ya sebodu ke loleme

Sebe sa phiri ke gore nnete
E tla go tlhoisa ka batho
Fela maaka one
O go dira moratiwa go bangwe

Fa o laelwa ke ditsala
O tla latlhega tatlhego ee botlhoko
Ba sa le ba re o tseane
Meno masweu polaya e tshega

Ka: Tshepo ga Seekoe
(tiro e e sa phasaladiwang)