Ke nna Thantsi, lekoto ga ke gate lefatshe,
Ngwana wa mmala o bothata
---pitse ya setata
Le motlhang ke le gata, ke ya moreneng
Ke ya ga-Mogopa-a-Dira
Ke ya go batla methepa
E rile e le Sentsho-a-baRamoropa a re:
Nnaare ke thepa tsa eng tse di matlho
Tse di matlho a masokesoke;
Ka be ka boa ke ntse ke etsa mmantetediane
Mmantetediane, thola ya mariga
Dumela Molatsi-a-seboola,
Sa mmatla o o se batlang
Ke pitse le kgokonyana e moetse
Dumela! Morwa serurubele
Dumela! Morwa Mmapodi wa mogala
Wa boTladi, tlhabana ya ga Mmamaleka
---se lelele bogale
Bogale ke ba ditladi tse dikgolo
--tsa boMmaantome-a-boKalanene
O ka soka tlou-kgolo-a-mogola molala;
Tlou ke di thudile kwa mogotelele
Dumela! Mmaserurubele wa Molatsi
Dumela! Thantsi o se letse Motlase