Diane

Diane ke dipolelo tse di tlhamilweng ke motlapele ka kelotlhoko e kgolo le maroka a a se nang go lekannwa. Maitlhomo a diane ke go ruta le go gakolola.


Seane
Tlhaloso ya Sona
Ngwana wa mosetsana metsi a kgalaopa, o nowa ke bafeta ka tsela
Ngwana wa mosetsana a ka nyalwa ke monna mongwe le mongwe
Ngwana yo o tlhogokgolo o sira rraagwe
Fa ngwana a sena maitseo o senya batsadi leina
Ngwana wa bodikgomo ithute molodi, o gople motlhang malata a tsamaya
Ngwana o tshwanetse go ithuta botshelo batsadi ba sa ntse ba tshela
Ngwanan o anya mmaagwe a sule
Ga ntsi ngwana ga a bone mathata a batsadi
Bana mamporwana maatlhamelababolai
Bana ba utlwelela mongwe le mongwe mmogo le babolai
Bana ba tadi ba bonwa ka mereto
Batho ba e leng ba setlhopa ba itsane ka mebala kgotsa mekgwa
Maraganateng a bana bam pa ga a tsenwe
O se ka wa itlwaetsa go tsenatsena ntwa ya bana ba motho, kwa morago di ka sala le wena
Mafura a ngwana ke go rongwa
Ngwana o tshwanetse go nna maoto a batsadi ntle le go duelwa
Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng
Mmangwana o kgona go itshokela mathata a ngwana
Mosadi mooka o nya le mariga
Gantsi mosadi o na le maano a botshelo
Mosadi tshwene o jewa mabogo
Mosadi o itsege ka diatla/go dira
Mosadi ntshwa o okwa ka lerapo
Mosadi o itumelela go direlwa
Mosadi podi o jewa leleme
Mosadi o bua thata
Monna tau o jewa marota
Monna o itshupa ka maatla
Bana gab a na thwadi, ba bonwe ke mmamariga
Gantsi banna gab a rwalalele thoto/mofago jaaka basadi
Monna theko thekelele ya mafura, e a re o re thee
Mosadi o tshwanetse go tlhokomela lerato la monna gore a se ke a fapoga
Motho ga a itsewe e se naga
Motho o na le mekgwa e e fapaneng
Motho kgwele ya pula, o boswa a bofologa
Motho o na le go fetoga gantsi
Bodiba ba motho ga bo tshwe bo lebilwe
Motho ga a ke a tlogelwa fela go swa, le fa Tshepo e sa bonale.
Poo e patwa ka letshwagolo
Modipa o kgonwa motlhang a le mo mathateng/bokoweng
Poo e sa bopang motlhapeng, e fagolelwa thoteng
Motho yo o ngongoregelang sephiring, mathata a gagwe a felela phefong
Poo go bewa ya Kgomo, ya motho e ya ipaya
Go tswa mo mothong gore o batla go nna eng mo botshelong
(Dipoo) Ga di ke di bopa dile pedi ka mo sakeng
Marena/Balaodi gab a ke ba nna babedi mo tulong e le ngwe
Poo ya bogwe e tlhaba naka le iname
Ka gale motho ga a bone wa gaabo molato
Kgomo e tshwarwa ka dinaka, motho ka leleme
Motho gantsi o ipofa ka dipuo tsa gagwe
Mogadimadikgomo tsa mafias, o gama a gadimile
Fa o adimile sengwe ga o se dirise ka phutologo
Tsa etelelwa ke e namagadi pele di wela ka lengope
Mosadi ga a na bokgoni ba boeteledipele
Dikgomo go tlhabana tsa lesaka
Batho go lwa bao ba nnang mmogo
Lebitla la Kgomo ke mpa
Kgomo ga e latlhiwe
Ditau tsa tlhoka seboka, di siiwa ken are e tlhotsa
Batho fa ba ka tlhoka kutlwano, ba ka palelwa ke tsotlhe
Tau ga e ke e ja ngwana e sa mo tsala
Gantsi motho o thusiwa ke wa gaabo
Phokojwe go tshela yo o dithetsenyana
Motho o tshwanetse go dira gore a tshele
Phokojwe wa motsetsi ga a na boa ba mpa
Bana ba tshwarisa batsadi mathata
Phokojwe fa a tenwa ke mosima, o o tsena ka morago
Motho fa a lapisitswe ke sengwe, o a se senya
Tshwenyana e e boa bo ntlha, e a ikilela
Motho yo o gantsi a welang mo mathateng, o tshwanetse go itlhokomela
Tshwene ga e ipone makopo
Motho ga a ke a bona diphoso tsa gagwe
Nakedi ga e ke e re ke a nkga
Motho ga a ke a ipua bobe
Go thanya lomapo lo le tsebeng
Go lemoga o setse o tsene mo mathateng
Kgomo mogala tshwara ka thata e se re o utlwa sebodu wa kgoaga
Tswela pele ka maikaelelo a gago, bogolo jang fa go le thata
Tau e iputha metlhala e le nosi
Motho a ka sengwa leina ke bana
E maswi ga e itsale
Katlego ga e tsalelwe
Sedikwa ke ntswa pedi ga se thata
Tirisano mmogo e dira tiro e kgolo
Kgetsi ya tsie e kgonwa ka go tshwaraganelwa
Tirisano mmogo e dira tiro e kgolo
Nonyane e e mephuphutomebe e ipatlha ka diphuka tsa yona
Mekgwa ya motho e mo tsenya mo mathateng
Molaya kgosi wa itaela
Go rera bosula ka mongwe ke go itherela bosula
O se bone majwe go katogana, bosigo a etelena
Dikamano tsa batho e na le go nna sephiri
O se bone thola borethe, teng ga yone go a baba
Bontle ba popego ya motho ga bo re kaele bontle jwa botho ba gagwe
Moremogolo go betlwa ga taola wa motho wa ipetla
Motho nna seo a batlang go sona
Motho ga itsiwe e se naga
Motho o ka se mo itse
Seboba re photha sa mokwatla sa mpa ra mpampetsa
Ba losika re a ba tlhokomela