Ka ga setswana.net
Re lebogela fa o tseile matsapa a go etela Setswana.net,
morero wa mokgatlo wa rona ke go boloka le go rotloetsa tiriso ya puo ya setswana.
Motho gago tlhoke gore a nne o o kelotlhoko go le kalo, go lemoga fa segaetsho se le ka fa tlase ga matshosetsi a go nyelela,
lefa e se gompieno, fela, gongwe dingwaga tse lekgolo tse di latelang
Mo dingwageng tsa gompieno tsa pusho ya batho, motsadi mongwe le mongwe o a kgonang, o romela ngwana wa gagwe kwa sekolong sa sejatlhapi ka ntata ya
maemo a kwa godingwana a thuto, go tloga gone motsing o o, ga ke solofele fa ngwana o o, a tla tlhole a buisitse kwalo epe ya Setswana. Le bona bana ba ba tseneng dikolo
kwa dikolong tsa Setswana, morago ga go falola mophato wa bona wa matriki, ga ba tlhole ba buisa sepe se se kwetsweng ka setswana. Ka jalo go mo pepeneng gore setswana,
ka tsela e dilo di diriwang ka teng ga jaana, ga sena bokamosho mo nageng eno kgotsa mo lefatsheng
Lemoga boipelo jwa motsadi fa ngwana wa gagwe a bua sejatlhapi ka botsetseleko,o boe o lemoge ditlhong tsa ngwana wa thari fa pele ga ditsala tsa gagwe fa a sa kgone go bua seeng.
Mo dingwageng tsa gompieno, go bua sejatlhapi ka botswerere, ke sona se se kaiwang e le botlhale. Le fa go se se se phosho go itse go bua sejatlhapi, a e se ke ya nna ka tuelo ya lefa la borra-rona mogolo,
lefa la puo ya setswana.
Se rona re se emelang, ke go sireletsa le go tlhatlosa tiriso ya puo ya rona. Re leka go dira gore jaaka mo-Afrika Borwa o nang le ditshwanelo, go tsenyeletsa,
tshwanelo ya gago ya botho ya go tlhopa, o nne le sebaka sa go ka itlhopela loleme leo ka le dirisang, gongwe le gongwe mo Afrika Borwa kwa ntle ga kgoreletso epe, jaaka go kwadilwe
mo bukaneng ya ditshwanelo tsa botho ya Afrika Borwa
.
Maikemisetso a rona re a kgarametsa ka go fana ka ditiro tse di latelang
- Ka go tlhagisa-seshwa dibuka tsa Setswana tsa kgale
- Go rotloetsa tiriso ya Setswana mo dikwalong tsotlhe tsa pusho
- Go tlhagisa dibuka tse dintshwa tsa Setswana
- Go fetolela dibuka tse dingwe tsa se-eng ko setswaneng
- Go rotloetsa le thusa bakwadi ba Setswana
- Go dira di buka tsa Setswana di bonagale ka bonolo go feta jaanong
- Go tlhokomela ngwao ya Setswana, le
- Go ema nokeng mekgatlo(kgotsa motho) e e nang le maikemisetso a tshwanang le a rona
Itumelele se re go tshwaretseng sona ga jaana, dinaane, dipoko,dithamalakane, jalo-jalo,mme le wena o ka nna wa re romelela sengwe
le senwe fela se se fa kakanyong ya gago, se se ka thusang maitemo a rona, re ka itumelela go utlwa mo go wena
.